Thero ka Sontaga wa 8 morago ga moletlo waBorarobongwe, e le ka 14. 08. 2011 42/2011
Mo leineng la Modimo o e leng Rara le Morwa le Mowa o o Boitshepo!
1. Sefela sa 263 – 245/-
2. Thapelo: Morena, Rara yo o mo legodimong, o re thuse, ka re biditswe ka leina la ga Morwao, o re thuse gore re latlhe tshiamololo yotlhe. O re itshepise gore re nonofisiwe go ungwa maungo a a nnelang ruri go ya mo botshelong jo bo sa khutleng, ka ene Jesu Keresete, Morena, Morepholosi. Amen.
3. Epistolo ka fa thulaganyong ya 2 e kwadilwe mo go Baefeso 5:8b-14;
Efangele ka fa thulaganyong ya 1 e kwadilwe mo go Matheo 5:13-16.
4. A go ipolelwe tumelo ya bokeresete! 5. Sefela sa 366 – 338/345
6. Thapelo ya mmadi wa thero. 7. Lefoko ka fa thulaganyong ya 3 le kwadilwe mo go
Jesaya 2:1-5, le re: “Lefoko le Jesaya, morwa Amotse, o le bonyeng ka ga Juta le Jerušalema ke le: E tla re mo malatsing a bofelo thata ya Ntlo ya MORENA e bo e tlhomame, e okame dithaba, e godisitswe kwa godimo ga dithabana; ditšhaba tsotlhe di tla phuthegela kwa go yona. Merafe e mentsi e tla nanoga e re: ‘Tlayang a re tlhatlogeleng kwa thabeng ya MORENA, kwa Ntlong ya Modimo wa Jakobe, gore o re rute ditsela tsa ona, re tle re tsamae mo ditselaneng tsa ona; gonne molao o tla tswa kwa Sione, Lefoko la MORENA le tswa kwa Jerušalema.’ O tla seka mo gare ga ditšhaba, a siamisa merafe e mentsi. Foo ba tla thula ditšhaka tsa bona megoma, ba fetola marumo a bona disekele. Setšhaba ga se nke se somole tšhaka go tlhabana le se sengwe. Ga ba kitla ba tlhola ba ithuta tlhabano. Ba ntlo ya ga Jakobe, tlayang a re tsamaeng mo leseding la MORENA!” Amen.
8. Thero: Barategi mo Moreneng wa rona Jesu Keresete, ka Lefoko la Morena le baporofeti ba Testamente e kgologolo ba le bonyeng, le ba le utlwileng, le ba le senoletsweng, go na le le le setseng le dirafaditswe ke Morena mo sebakeng se se fetileng, le le dirafadiwang mo sebakeng se re tshelang mo go sona, le le le iseng le dirafadiwe, le le sa ntseng le tla dirafadiwa ke Morena mo sebakeng se se tlang. Le mo Lefokong la thero ya kajeno le le neng la bonwa ke moporofeti Jesaya go na le
1. dipolelo tse di setseng di dirafaditswe kgale;
2. le dipolelo tse di dirafadiwang mo sebakeng sa kajeno;
3. le dipolelo tse di tla dirafadiwang mo sebakeng se se tlang.
1. A re tlhokomeleng tse di setseng di dirafaditswe kgale. Ke tsona tse di buang ka ga molao wa Modimo o o tswang kwa Sione, le Lefoko la MORENA le le tswang kwa Jerušalema. Ke molao o o farologanyeng le molao o o neng wa tswa mo thabeng ya Sinai. Go itsiwe, fa Modimo o file ditaolo tse some tsa molao wa ona kwa thabeng ya Sinai. Mo Lefokong la thero ya kajeno re utlwa ka ga molao wa tumelo o o tswang kwa thabeng ya Sione, kwa Jerušalema. Tsholofetso eo e setse e dirafaditswe. Re a utlwa, fa Luka a re bolelela mo Efangeleng ya gagwe ka go tshwaya ka thanolo molao oo wa tumelo le Lefoko leo la Efangele le le tswang kwa Sione, le kwa Jerušalema. La tswa teng, e rile Jesu a sena go boga, le go swela mo sefapaanong, le go tsoga mo baswing kwa Jerušalema, le go naya barutwa ba gagwe taolo gore ba ye mo mafatsheng otlhe go bolelela, le go rerela batho tse di diragetseng kwa Jerušalema go baakanyetsa batho ba merafe yotlhe boitshwarelo jwa maleo, le botshelo jo bo sa khutleng. Go kwadilwe mo go Luka gore Morena Jesu o ne a raya barutwa ba gagwe, a re: Mafoko a me a ke a buileng le lona, fa ke sa na le lona, ke a gore: Tsotlhe tse di kwadilweng ka ga me mo molaong wa ga Moše le mo baporofeting le mo dipesalomeng di tshwanetse go dirafala. Ya baa gona o sedimosang tlhaloganyo ya bone gore ba tlhaloganye Dikwalo. A ba raya a re: ‘Go kwadilwe jalo, mme go ne go tshwanetse gore Keresete a boge, a be a tsoge mo baswing ka letsatsi la boraro, le gore go rerelwe merafe yotlhe boikwatlhao jo bo isang boitshwarelong jwa dibe ka leina la gagwe, go simolola mo Jerusalema. Lefoko leo le le biletsang batho mo boikwatlhong jo bo isang mo boitshwarelong ke lona le le setseng le dule kgale kwa Jerušalema.
2. Le sa ntse le rerwa, le kajeno. Le sa ntse le dirafadiwa kwa le kwa, kwa thero e e biletsang batho mo boikwatlhaong jo bo isang boitshwarelong jwa dibe teng, kwa batho ba gakololanang teng go utlwa thero eo. Ke se se dirafadiwang ka tlhotlheletso ya Mowa o o Boitshepo gore batho ba tsoseletsane go ya kwa Morena le pholoso ya gagwe e bonwang teng, gore ba ineele mo kolobetsong gore maungo a loso le tsogo ya Morena Jesu a fetisediwe mo go bone, ba amogele boitshwarelo jwa dibe ka malatsi otlhe mmogo le badumedi botlhe, ba atamele mo boipobolong go ipolela maleo a bone ka boikwatlhao le go amogela boitshwarelo mo leineng la Modimo o e leng Rara le Morwa le Mowa o o Boitshepo, ba atamele le mo selalelong sa Morena go ja mmele wa Morena mo senkgweng, le go nwa madi a gagwe mo weineng. Tota ke se se dirafadiwang kajeno mo sebakeng se re tshelang mo go sona. Go na le bareri mo mafatsheng otlhe ba ba laletsang batho ka Lefoko le le neng la simolola kwa thabeng ya Golegotha kwa Jesu a neng a swela teng mo sefapaanong, kwa Jerusalema kwa a neng a tsoga teng mo baswing. Go na le ba ba utlwang taletso eo, ba e itumelela, ba dumela gore tota ka molaetsa oo o o neng wa tswa kwa Jerusalema, Modimo o re sedifatsa kwa taletso eo e isiwang teng mo bathong. Ke se segolo, fa Morena a re solofetsa gore go tla dirafadiwa le kamamoso. Go na le ba ba ineelang go ipaakanyetsa tiro e ntle eo ka go ya mo seminareng go ithuta molao oo le Lefoko leo le le neng la tswa kwa thabeng ya Sione le kwa Jerušalema. Go tla dirafadiwa go ya Morena Jesu a tla bowa ka letsatsi la bofelo go atlhola batshedi le baswi gore batho ba tsoseletsane go phuthegela kwa Lefoko le le biletsang batho mo boikwatlhong jo bo isang mo boitshwarelong teng, kwa go abelwang teng boitshwarelo mo boipobolong, le kwa go abelwang teng mmele le madi a Morena mo selalong sa gagwe, gore batho ba siamisiwe ka go itshwarelwa mo leineng la ga Jesu le go tsamaya mo leseding la gagwe.
3. Ka thuto ya boraro re a utlwa gore go na le dipolelo tse di iseng di dirafadiwe, tse di tla dirafadiwang mo sebakeng se se tlang. Ke mafoko a a reng: “Foo ba tla thula ditšhaka tsa bona megoma, ba fetola marumo a bona disekele. Setšhaba ga se nke se somola tšhaka go tlhabana le se sengwe. Ga ba kitla ba tlhola ba ithuta tlhabano.” Tseo di tla dirafadiwa go diragala ka botlalo, e tla re Morena a sena go bowa go atlhola batshedi le baswi. Go dirafala fela kwa legodimong, mo kgalalelong ya pholoso le botshelo jo bo sa khutleng, mo legodimong le re utlwang ka ga lona ka mafoko a a reng: “Bona, boago jwa Modimo bo mo bathong! O tla aga nabo; bona ba tla nna batho ba one; mme Modimo ka osi o tla nna nabo. Modimo o tla phimola dikeledi tsotlhe mo matlhong a bone; loso ga lo ne lo tlhola lo nna teng, le bohutsana le selelo le botlhoko ga di ne di tlhola di nna teng; gonne dilo tsa ntlha di fetile.” Go tla dirafala mo felong kwa ba ba boi le ba ba sa dumeleng le ba ba maswe le babolai le diaka le baloi le ba ba direlang medimo e sele le baaki botlhe ba sa dumelelweng go tsena teng, ke raya botlhe ba ba tla bolelelwang ke Moatlhodi wa letsatsi la bofelo katlholo e e reng: “Tlogang fa go nna, bahutsiwa ke lona, lo ye kwa molelong o o sa khutleng, o o baakanyeditsweng Diabolo le baengele ba gagwe.”
Le fa go ntse jalo, le mafoko ao a a tla dirafadiwang ka botlalo mo letsatsing la bofelo, mafoko ao a a buang ka ga kagisanyo fa gare ga batho, a dirfala kwa batho ba ipolelang teng, ba re: “Jaanong ka re siamisitswe ka tumelo, re na le kagiso le Modimo ka Morena wa rona Jesu Keresete,” le kwa ba ikokobeletsang teng Lefoko le le re tlhotlheletsang go itshwarelana ka fa kopong ya botlhano e e reng: Morena, o re itshwarele melato ya rona, jaaka re itshwarela ba ba nang le melato le rona. Bakeresete, badumedi, barutwa ba ga Jesu ba tlhotlhelediwa, le go kaelwa gore letsatsi le se ka la phirima, ba ntse ba galefile. Lefoko la Modimo le bua jalo, mme se se hutsafatsang ke fa bakeresete mo diphuthegong, le bone ba sa amogelane jaaka bana ba ntlo ya Modimo. Mo khutsafalong e e ntseng jalo a re se ka ra lapa, le e seng go latlha tumelo, re utlwe botlhoko ka tsotlhe tse di sa ntseng di tlhokega le mo diphuthegong tsa rona malebana le go itshwarelana, le go ratana, le go amogelana, mme re itumelele bone ba ba agisanyang, ba ba direlanang mo kutlwanong mo diphuthegong tsa rona ka thatano ya bokeresete, re solofele gore kagisanyo le tirelano eo e tla tswelela pele le kamamoso ka go emelana le Atame yo mogologolo, le ka go ineela mo thatong ya Modimo gore kilano ya kgethololo e fenngwe bogolo fa gare ga bakeresete, le fa gare ga ba kereke ya Lutere. Modimo o jwale, o tsweledise, o dirafatse thatano, kamogelano, tirelano ka lorato lo logolo lwa ona, ka go re gopotsa rotlhe ka malatsi otlhe gore re amogetswe ke ona ka boitshwarelo, le go direlwa ke ona ka tse re di diretsweng ka botsalo, loso, le tsogo ya Morwaaona, Morena wa rona Jesu Keresete ka go dirafatsa tse o di solofeditseng ka dikwalo tsa baporofeti. Amen
9. Thapelo: Modimo o o se nang tshimologo, le e seng bokhutlo, Mong-wa-thata-yotlhe, yo o leng o le wesi yo o dirang dikgakgamatso, o re goromeletse Mowa wa bopelotlhomogi jo bo pholosang jwa gago mo go rona ba re leng badiredi ba gago, le mo diphuthegong tse ba di laoletsweng gore e nne ba ba go kgatlhang ka boammaaruri, o tle o ba lapolose ka metlha ka mouwane wa tshegofatso ya gago ka ntlha ya ga Jesu Keresete, Morena, Morepholosi. Amen.
Thapelo ya Morena: Rara wa rona yo o mo legodimong …
10. Sefela sa 265 – 247/257
A kagiso ya Modimo e e fetang tlhaloganyo yotlhe e boloke dipelo tsa rona le maikutlo a rona mo go Keresete Jesu, Morena, Morepholosi. Amen.
Thero eno e kwadilwe ke E. A. W. Weber, ka ngwaga wa 2011
Kgatiso le go rongwa ga dithero tseo go tshegediwa ke kopano e e bidiwang The Lutheran Heritage Foundation.