Thero ka Sontaga wa 7 morago ga moletlo waBorarobongwe, e le ka 07. 08. 2011 41/2011
Mo leineng la Modimo o e leng Rara le Morwa le Mowa o o Boitshepo!
1. Sefela sa 395 – 362/ 374
2. Thapelo: Morena, Modimo, o re itshepise mo boammaaruing. Lefoko la gago ke la boamaaruri. Amen.
3. Epistolo ka fa thulaganyong ya 2 e kwadilwe mo Ditirong tsa baapostolo 2:41a.42-47;
Efangele ka fa thulaganyong ya 1 e kwadilwe mo go Johane 6:1-15.
4. A go ipolelwe tumelo ya bokeresete! 5. Sefela sa 5 – 5/5
6. Thapelo ya mmadi wa thero. 7. Efangele ka fa thulaganyong ya 3 e kwadilwe mo go
Johane 6:30-35, e re: “Ba mo raya ba re: ‘Kana o dira sesupo sefe gore re bone, re go dumele? O itshupa ka tiro efe? Borraetsho ba jele Mmana kwa sekakeng, jaaka go kwadilwe ga twe: ‘O ba file senkgwe se se tswang kwa legodimong go se ja.’ Jesu a ba raya a re: ‘Ammaaruri, ammaaruri ke lo raya ke re: Ga se Moše yo o lo fileng senkgwe se se tswang kwa legodimong, ke Rre yo o lo fang senkgwe sa nnete se se tswang kwa legodimong. Gonne senkgwe sa Modimo ke sona se se fologang kwa legodimong, se se nayang lefatshe botshelo.’ Ba mo raya ba re: ‘Morena, re fe senkgwe seo ka metlha yotlhe.’ Jesu a ba raya a re: ‘Ke nna senkgwe sa botshelo; yo o tlang go nna ga a ka ke a tlhola a utlwa tlala. Yo o dumelang mo go nna ga a ka ke a tlhola a nyorwa.’” Amen.
8. Thero: Phuthego ya Morena wa rona Jesu Keresete, Rona badumedi re tshela gabedi. Motho mongwe le mongwe mono mo lefatsheng o tshela gangwe fela. Re a tsalwa, re a swa. Ke ona molao mo godimo ga rona, mme rona badumedi re tshela gabedi. Ke ka lebaka la eng? Gonne re ja botoka. Re ja sejo se se botoka. Ke jona bosaitsiweng jwa rona. Re a tshela sentle, gonne, re ja sentle. Re tshela sejo se se molemo. Re tshela re le ka fa tlase ga bopelotlhomogi jwa Morena wa legodimo le lefatshe ka kwano mo lefatsheng, le mo go le le tlang. Jesu a ba raya a re: Nna ke senkwe sa botshelo, yo o tlang mo go nna ga a kitla a bolawa ke tlala. Yo o dumelang mo go nna ga a nke a oma. Nnang fa fatshe thapama, lo phutholole Beibele ya lona, lo buise kgaolo yotlhe ya ga Johane 6. Senkgwe sa botshelo ke eng? Ditemana tse di masome a a supang le bongwe tsa kgaolo eo di re tlhalosetsa sentle leina leo la ga Jesu gore re le tlhaloganye botoka. Ke tse tharo tse di angwang mo lefokong la thero. Ke tse: 1. ba ba tshwerweng ke tlala ba abelwa dijo gore ba kgore. 2. Jesu o a itshupa ka gore: Ke ene senkgwe sa botshelo. 3. Jesu o ineela mo sakaramenteng, fa e le senkgwe sa botshelo.
Potso e e bodiwang ke e: Botshelo jwa gago bo thusa mang? Botshelo jwa me bo thusa mang? Botshelo jwa me bo thusang? Botshelo jwa gago bo thusang? Botshelo jwa rona bo ikaelelang? Bo na le maikaelelo a a ntseng jang? A ke a tshela gore ke je? Ke tshelelang? Wena, morwa-Rre, wena morwadie-Rre, o tshelelang mono mo lefatsheng? Go na le batho ba ba tshelang jaaka ntshi. Ba a tshela-tshela, ba a ja, ba a nwa, mo bofelong ba swa fela. Ba ba ntseng jalo ba tshela ka go direla mpa wa bone fela ka go ja, le go nwa, le go robala fela. Ba tlhokomela dikeletso tsa mmele fela jaaka diphologolo tsa naga. Mme botshelo jwa nnete bo feta tseo, ga bo felele foo. Rara o lo abela senkgwe sa nnete, se se tswang mo legodimong. Kana senkwe sa Modimo ke ene yo o fologileng mo legodimong, yo o nayang lefatshe botshelo. Ke gona ba mo reileng, ba re: Morena, re fe senkgwe seo ka metlha yotlhe. Jesu a ba raya a re: Ke nna senkgwe sa botshelo; yo o tlang go nna ga a ka ke a tlhola a utlwa tlala. Yo o dumelang mo go nna ga a ka ke a tlhola a nyorwa.
Botshelo jo bo botoka bo na le maikaelelo a a botoka. A matlho a me a buduloge gore ke bone batho ba bangwe, bogolo bahumanegi le bahutsafadi, bogolo bone ba ba bolawang ke tlala, bogolo tlala ya tshiamo. Ke be ke bule diatla tsa me go ba abela tse ke nang natso, tse di di abetsweng le nna, ke bule le molomo go ba bolelela ka ga senkgwe sa botshelo. Ke nnete, modumedi o tshelela yo mongwe yo o mo tseleng mmogo le ene. O bula pelo ya gagwe, a tsholetsa tlhogo ya gagwe gore a bone Motlhodi wa gagwe yo o mo abetseng botshelo, le tsotlhe tse a nang natso. Ke tshelele ene. Motho ga a nke a tshela ka senkgwe fela; o tshela ka Lefoko lengwe le lengwe le le tswang mo molomong wa Modimo. Ke gona go tlhagang potso e kgolo malebana le botshelo jwa rona. Re na le tlala go ja eng? Nna le wena re nyoretsweng? Ke lora ditoro tse di ntseng jang? A go na le sengwe se se nkamang mo pelong ya me? A go na le sengwe se se ntsoseletsang. Tse di amang pelo ya me ke tsa eng? A ke tsa mmele fela: dijo, dino, le thobalo? Ke fa ke tla bolawa ke tlala ka metlha. Ke tla nyorwa ka metlha. Ke tla nyorwa ka malatsi otlhe. Nyaya, bagaetsho, ke tlhoka le se sengwe.
Ke tlhoka dijo tse di kgorisang mmele, mme bogolo ke tlhoka dijo tsa ditsebe gore mowa wa me o bolokwe gore pelo ya me e pholoswe, nna ka nosi ke pholosiwe, mmele le mowa. Tota ke tlhoka thuso yotlhe e re e baakanyeditsweng ke Modimo. Ke ka ntlha ya moo, fa ke itumelela Evangele e ntle ya kajeno, gonne ke buisa fano gore ga ke nosi le botshelo jwa me. Ga ke nosi le mmele wa me. Ga ke nosi le mowa wa me. Le Motlhodi wa me o teng. Mopholosi wa me o nna le nna, kajeno, jaanong le ka metlha, mo tirelong-Modimo. Ke lebogela dikabelo tsa bopelotlhomogi, e bong Lefoko la Modimo, le disakaramente tse di boitshepo, e bong kolobetso, kgololo mo boipobolong, le selalelo se se boitshepo sa Morena. Didiri tsa bopelotlhomogi di rata go mphelegetsa mo tseleng e e yang mo legodimong. Rara o re fa senkgwe sa nnete se se tswang mo legodimong, e bong ene yo o neng a fologa mo legodimong, yo o nayang lefatshe botshelo. Ke fa ba mo raya ba re: Morena, re fe senkgwe seo ka metlha yotlhe. Ke fa Jesu a ba raya, a re: Ke nna senkgwe sa botsehlo; yo o tlang go nna ga a ka ke a tlhola a utlwa tlala. Yo o dumelang mo go nna ga a ka ke a tlhola a nyorwa.
Re tlhoka thuso. Re tlhoka sesupo sa tumelo mo tseleng, gonne Satane ga a thulamele. Le ene o re felegetsa. O re bontsha se sengwe ka metlha go kgorisa dikeletso tsa rona. O re bontsha sešwa ka metlha tse di ka kgorisang maikutlo le megopolo ya rona ka tse di gakgamatsang, tse di tshosang kwa le kwa, mo ditseleng ka kwa ntle, gongwe mo gae fa pele ga TV. Lo se mo nee phatlha! Ke motsietsi! O utlwisa botlhoko. O bolaya mmele le mowa. Nyaya, bagaetsho, ke rata go lo supetsa se se botoka kwa re kgorisiwang ka botlalo teng. Tla, o khubame mmogo le nna gore re je re nwe botshelo jo bo botoka, botshelo jwa nnete, botshelo jwa go tshela, e le botshelo ntle le tlala, ntle le lenyora, e le botshelo jo bo sa khutleng. Rara o lo fa senkgwe sa nnete se se tswang kwa legodimong. Gonne senkgwe sa Modimo ke ene yo o fologileng mo legodimong, yo o nayang lefatshe botshelo. Ke fa ba mo raya ba re: Morena, re fe senkgwe seo ka metlha yotlhe. Ke fa Jesu a ba raya, a re: Ke nna senkgwe sa botshelo; yo o tlang go nna ga a ka ke a tlhola a utlwa tlala. Yo o dumelang mo go nna ga a ka ke a tlhola a nyorwa.
Jesu Keresete o ineetse mo losong lwa sefapaano gore e nne sejo sa rona se se tswang mo legodimong, Le fa a sa didimatse go bopama, le go ota, le go eletsa ga rona malebana le go tshedisa, le go otla mmele wa rona ka tsona tse re di baakanyeditsweng, le go abelwa ke Modimo ka fa Artikeleng ya ntlha ya tumelo ya bokeresete le kopo ya bone ya thapelo ya Morena, o tla didimatsa tlala ya tshiamo, le go e nyorelwa. Yo o itshwarelwang maleo ka go dumela mo go Keresete o balelwa tshiamo ya Modimo ka botlalo. Modimo o tla fenya bodudu jotlhe jwa gago. Ka moo re atamela ka boitumelo mo selalelong se se boitshepo sa Morena go kopana le Jesu, Morena wa botshelo, gonne senkgwe sa Modimo ke ene yo o fologileng mo legodimong. Ke yo o abelang lefatshe botshelo. Re a utlwelwa botlhoko, re ratwa jalo gore re se swe ka tlala ya tshiamo ya Modimo mo tseleng. Re thusiwa jalo gore re se latlhege mo tseleng ka fa tlase ga matshwenyego le maleo a rona. Re a amogelwa, le go tsweledisiwa jalo ka Sontaga le Sontaga gore re se latlhegelwe ke tsholofelo, mme re fenye khutsafalo le pelaelo le tlhobaelo ya rona, re tlhabane le Satane, le lefatshe le nama ya rona, re lwe tlhabano e e molemo ya tumelo, re fenye ka Jesu yo o re selofetsang, a re: Yo o jang nama ya me, a nwa madi a me o na le botshelo jo bo sa khutleng, ke tla mo tsosa ka letsatsi la bofelo. Re leboga Morena. O re utlwele botlhoko, Morena Keresete. Amen.
9. Thapelo: Morena Jesu Keresete, re lebogela sejo se se boitshepo sa gago, le kgomotso e e sa ka keng e tshwaiwa. O re femele gore Satane a se ka a tlosa tshegofatso e re e abetsweng ka bopelotlhomogi jwa gago, O re fe thata ya Mowa o o Boitshepo, gore poifo ya go go boifa e ate, re tle re tsosiwe ka letsatsi la bofelo go rua boswa jwa botshelo jo bo sa khutleng. Amen.
Thapelo ya Morena: Rara wa rona yo o mo legodimong …
10. Sefela sa 224 – 210/218
A kagiso ya Modimo e e fetang tlhaloganyo yotlhe e boloke dipelo tsa rona le maikutlo a rona mo go Keresete Jesu, Morena, Morepholosi. Amen.
Thero eno e kwadilwe ke K. G. Tiedemann , ka ngwaga wa 2011
Kgatiso le go rongwa ga dithero tseo go tshegediwa ke kopano e e bidiwang The Lutheran Heritage Foundation.
