Dikgang tse di Khutshwane – IziNdaba eziFingqiweyo
tsa Kereke ya Lutere- zekerike ngokobuLuthere
Motsheganong 2012
Dipolelo tse dingwe tsa ga Henry C. Schwahn go tlhokomela pharologanyo ya tiriso ya molao le Efangele ka fa molaong le ka fa Efangeleng mo ditherong, mo dithutong, le mo ditirong tse dingwe tsa kereke, gongwe tsa phuthego ke tse:
Polelo ya 17
Ka tlwaelo re ntse re golegetswe mo tirisong ya molao le Efangele ka fa molaong, gongwe re lea fela molao, re o ikgatolosa fela, gonne Efangele ga se ya tlhago ya rona, ka fa tlhagong ya rona ga re utlwane le yona.
Polelo ya 18
Re tlhaselwa mo matlhakoreng a le mabedi, gongwe re kgatelela molao go feta tekano, gongwe re a o ikgatolosa. – Mo go rona kotsi e kgolo ke fa re o gatelela go feta tekano.
Polelo ya 19
Go ntse jalo ka ntlha ya motho yo mogologolo yo o ratang go ngaparela mo melawaneng ka fa tlhagong ya gagwe. Gape ka gonne go ne go gatelelwa melawana mo diphuthegong tsa rona, jaaka re dikolotswe ke badumedi ba ba gatelelang melao thata ka go kgweetsa bakeresete gore ba itsheke, bogolo ka ntlha ya gore ba ba sa dumeleng ba ineela mo makgapheng le mo ditimetsong fela mo ntlheng ya go ruta..
Polelo ya 20
Gongwe ba bantsi jang ba ba boifang mo sephiring gore ba tla abela yo o sa tshwanelang dineo tsa Efangele, bogolo go go boifa go tima yo o tlhokang kgomotso? Ke mang yo sa tlhagelweng ke segakolodi go etsa sekao sa ga Paulo go nna tsotlhe mo go botlhe? Kwa re tlhagelwang ke segakolodi ka ntlha ya moo, tiriso ya molao le Efangele ka fa molaong e sa ntse e le teng.
B. Tiriso ya molao le Efangele ka fa molaong
Polelo ya 21
Tiriso ya molao le Efangele ka fa molaong ga se go rera molao fela, mme ke go dirisa tsotlhe ka fa molaong, go o dirisa tsotlhe ka go gopola gore molao o tshegediwe ka botlalo, le gore o tla kgona go tokofatsa tsotlhe mo phuthegong ka molao, gongwe ka melawana. Mme kgono go tokofatsa mo phuthegong e ka diragala fela ka Efangele.
Polelo ya 22
Tiriso molao le Efangele ka fa molaong e bonala bogolo ka fa go diragalang gantsi teng mo go ba ba tlhoafetseng thata go baakanya tsotlhe gore ba kgweetse bakeresete ka melao, le melawana ntle le lorato lo e leng se segolo mo molaong, fa go nyadiwa botlhale go nna mogakolodi, le fa ba gopola gore ba a ruta, ba tlhagisa, ba kaela fela, mme ba dira ka go pateletsa badumedi gore e nne baitshepi. Ke fa tiriso ya molao le Efangele e le kgakala thata le tiriso ya molao le Efangele ka fa Efangeleng.
Polelo ya 23
Tiriso ya molao le Efangele ka fa molaong ga e diragale mo phutheong le mo kerekeng fela, mo mo magaeng le mo goromente e a diragala, le fa gare ga bakaulengwe.
Polelo ya 24
Tiriso ya molao le Efangele ka fa molaong e diragala gantsi mo ditherong, le mo tirong ya go disa phuthego, le mo tirisong le tsamaisong ya dikgang le dithulaganyo tsa phuthego.
Dikao tse di umakiwang ke rre Henry Schwan ga di ka ke tsa umakiwa fano, mme go molemo go itlhotlhomisa ka metlha ka go botsa gore a ke dirisa molao le Efangele ka fa molaong (in a legalistic way) gongwe ka fa Efangeleng (in an evangelical way). Ke pharologanyo e e tshwanetseng go rutiwa ke Mowa o o Boitshpeo ka nosi ka go tlhokomela gore Mafoko a Dikwalo tsa Testamente e Kgologolo le tsa Ntšha le maipolelo a Kereke ya Lutere a dirisa molao jang, a dirisa Efangele jang?
Pitso ya baruti ba Kereke ya Lutere mo Borwa jwa Afrika
Ya epiwa kwa Good Sheperd Retreat Centre gaufi le Hartebeespoort Dam ka kgwedi ya Mopitlwe, e tlhotse malatsi a a 19 – 21.
Ke ise ke bolele tse di dirilwang mo pitsong ke rata go lebogela kamogelo mo pitsong. Tota ke boitumelo jo bogolo, fa moruti yo o ikhutsisitsweng a kopana le bommonawe mo tirong ya Morena, go bona le go utlwa ka fa bomonnawe ba tswelela go dira tiro ya Morena, le go itumelela tse a di utlwang mo ditherong tse di tshwarwang, le mo dithutong tse di rutiwang. Bogolo fa a utlwa ka fa mongwe wa barutwa ba gagwe yo e leng modiredi-mmogo wa gagwe jaanong mo boemong a rerang ka go tshwaya dingwenyana tse ene ka nosi a neng a sa di akanyang mo botshelong le mo tirong yotlhe ya gagwe, jaaka morwa-Rre yo o neng a rera ka ga setlhare se Moše a se bonyeng seša, e sa še, a se kopanya le setlhare se se omileng, se se tukang ka seša ka molelo wa lorato lwa Modimo, se sa še, se ntse se tuka ka lorato, le fa go setse go fetile dikete tse pedi tsa dinyaga, e bong sefapaano sa ga Jesu Keresete. Fela ditlhare tse pedi tseo di farologana ka gore Moše o boleletswe gore a se ka a atamela mo go sona, mme rona re lalediwa, re tlhotlhelediwa ka lorato lwa Modimo gore re atamele mo setlhareng sa rona.
Gongwe go utlwa yo mongwe wa barutwa ba pele yo e leng monnawe mo tirong ya Morena jaanong, yo o neng a rera ka Lefoko le rre, e bong Gwejebomvu njengentolwana, a le rerileng mo moletlong wa thomo ka 1958 kwa Bleckmar ka dipotso tse tharo tsa Morena Jesu, tse di reng: A o a nthata? Le ka dikaelo tsa Morena gore re dise dinku tsa Morena, le go mo sala morago ka tlhoafalo le ka go ikanyega.
Gongwe go utlwa rre Dr. David Tswaedi yo e neng e le mobišopo wa kereke ya rona, fa a re gakolola gore re gopole, fa dineo tse dintle tse re di amogetseng mo Moreneng di sa foufatse matlho a rona, mme di batla go budulola matlho a rona gore re bone matlhoko, matshwenyego, ditlalelo tse bomorwa-Rre le bomorwadie-Rre di pitlagantsweng ka tsona kajeno le mo sebakeng se se fetileng gore re ba utlwele botlhoko, re senke ditsela go ba gomotsa, le go ba thusa.
Gongwe fa ke thusiwa ke mongwe wa bomorwaarona gore ke gopole ka fa Morena a fetotseng tse di neng tsa nkutlwisa botlhoko mo tirong ya me go nna tse