Dithero tsa Tirelano mo Kutlwanong
Thero ka Sontaga o o bidiwang Kantate, e le ka 22. 05. 2011 29/2011
Mo leineng la Modimo o e leng Rara le Morwa le Mowa o o Boitshepo!
- Sing to the Lord a new song
1. Sefela sa 183 – 169/-
2. Thapelo: Morena, Modimo, Rara yo o mo legodimong, re a go leboga, ka o re kopantse mo letsatsing la kajeno, le go re tlhotlheletsa ka leina la Sontaga gore re opele, re go opelele tebogo le tumiso. Ka moo re kopa gore o re rute bogolo ka Lefoko la gago, le ka difela tsa kereke ya Lutere gore re ithute sešwa go opela jaaka borara mo tumelong ka fa ba re rutileng go opela ka teng, re ipolele boipolelo le thuto ya kereke le ka difela tsa rona ka metlha malebana le ditaolo tsa gago, tumelo ya bokeresete, thapelo ya Morena, kolobetso mo leineng la Rara, le Morwa, le Mowa o o Boitshepo, boipobolo le kgololo mo maleong, le selalelo sa mmele ruri, le madi ruri a ga Morwao a a tshologeletsweng boitshwarelo jwa maleo, re be re supe ka difela tsa rona gore re tlhalogantse thulaganyo ya ngwaga wa kereke, re itumelele tirafatso ya ditsholofetso tsa gago, le fa re tshwanetse go lela le go hutsafala ka ntlha ya setlhare se se se nang maungo mmogo le Morwao, le ka ntlha ya bontsi jo bogolo jo bo sa dumeleng mo go Morwao, re itumelele sefela sa bana ba ipolelang Morwao yo o rategang, Morena, Mopholosi wa rona Jesu Keresete. Re rapela jalo mo leina la gagwe. Amen.
3. Epistolo ka fa thulaganyong ya 2 e kwadilwe mo go Bakolose 3:12-17;
Efangele ka fa thulaganyong ya 1 e kwadilwe mo go Matheo 11:25-30.
4. A go ipolelwe tumelo ya bokeresete! 5. Sefela sa 180 – 165/172
6. Thapelo ya mmadi wa thero. 7. Efangele ka fa thulaganyong ya 3 e kwadilwe mo go
Matheo 21:14-22, e re: “Foo difofu le batlhotsi ba tla go ene mo Tempeleng, mme a ba fodisa. Ya re baperesiti ba bagolo le baitsedikwalo ba bona dikgakgamatso tse o di dirang, le bana ba ba opang mokgosi mo Tempeleng ba re: ‘Hosana go Morwa Dafita!’ ba gakala, ba mo raya ba re: ‘A o utlwa se bao ba se buang?’ Jesu a ba fetola a re: ‘Ee; a ga lo ise lo ke lo buise se se reng: ‘O ipaakanyeditse pako ka melomo ya masea le ya ba ba anyang?’ Mme a ba tlogela, a tswa mo motseng, a ya kwa Bethania, a lala teng. Ya re ka moso phakela, fa a boela kwa motseng, a tshwarwa ke tlala. Ya re a bona mofeie fa tseleng, a ya kwa go ona; mme a se ka a fitlhela sepe mo go ona, fa e se matlhare fela. Foo a o raya a re: ‘A go se tlhole go ungwa leungo lepe mo go wena go ya bosakhutleng!’ Mme mofeie wa akofa wa omelela. Ya re barutwa ba bona, ba gakgamala ba re: ‘Kana mofeie o omeletse ka bonako jang?’ Jesu a ba araba a re: ‘Ammaaruri ke lo raya ke re: Fa lo na le tumelo, lo sa belaele, lo ka dira, e seng fela se se se diretsweng mofeie; mme fa lo ka raya thaba e lo a re: ‘Itsholetse o itigele mo lewatleng,’ go ka dirafala. Le tsotlhe tse lo ka di kopang mo thapelong ka go dumela, lo tla di amogela.’” Amen.
8. Thero: Barategi mo Moreneng, Sontaga wa kajeno o re kaela ka leina la ona gore re opele. Tota-tota ba kereke ya Lutere ba a opela, ba dirisa kopelo ya bone mo ditirelong-Modimo mmogo le phuthego. Ka tlwaelo ya borara ba rona Balutere ba opela difela tsa kopelo le mo magaeng, fa ba tshwara thapelo, le mo meletlong, le mo dikopanong le fa e le tsa bašwa, tsa bomme, tsa banna, le mo diphitlhong. E rile rre Nun Mokone, motlhatlhobi wa dikolo, a bodiwa kwa Jeremane ka ngwaga wa 1957 a bodiwa gore o gopolang ka ga se se dirileng gore Batswana ba ne ba tlhabologa ka bontsi mo go kalo pele ga ntwa ya Maesimane le Maburu, o ne a araba a re: “Bakeresete, bogolo Balutere ba opela mo diphitlhong,” Tota Balutere mmogo le bakeresete botlhe ga ba hutsafalele ba ga gabo ba ba sa tlholeng ba tshela, jaaka ba ba se nang tsholofelo. Ba opela ka ga phenyo ya ga Jesu Keresete mo diphitlhong tsa bone, ba ipolela, fa Jesu Keresete a ba golotse mo maleong otlhe, le mo losong, le mo thateng ya ga Satane. Ke a dumela gore bontsi jwa rona bo sa ntse bo gopola ka fa baditšhaba ba ne ba lela dilelo tse di amang pelo, fa mongwe wa bone a ne a swela mo sebetleleng, setopo sa gagwe se goroga mo gae. Ke selelo tota.
Mme Balutere ba opela difela tsa dikgaolo tse dikgolo tsa thuto ya bokeresete, jaaka di rutiwa mo Kategisimeng ya ga Dr. Martin Luther, gongwe jaaka di gopolwa, le go rerwa ka ngwaga wa kereke, ya sebaka sa Adfente, sa go gopola botsalo jwa Morena, sa go gopola gore Mopholosi wa batho botlhe o senoletswe le baditšhaba ka sebaka sa Epifania, le mo sebakeng sa dipogo, tsa papolo le loso lwa Morena, bogolo ka moletlo wa go gopola tsogo ya Morena mo baswing, le tlhatlogo ya gagwe, le kgoromeletso ya Mowa o o Boitshepo, le ka go gopola tshenolo ya Modimo wa nnete, o e leng Rara, le Morwa, le Mowa o o Boitshepo, Motlhodi, Mopholosi, Moitshepisi wa rona, le ka meletlo ya thomo go gopodiwa tlalelo ya ba ba iseng ba kolobediwe, le tiro e kgolo ya go tsamaisa Efangele go e isa mo go baditšhaba. Go itsiwe gore ka difela tsa bantšhafatsi ba kereke ka nako ya ga Martin Luther Balutere ba tsentse tse di rutilweng ka nako ya bontšhwafatso jwa kereke mo bathong, gore ba amogele thuto ya go gololwa mo boleong, le mo losong, le mo thateng ya ga Satane ka botsalo, loso, le tsogo ya ga Jesu Keresete.
Balutere ba a opela difela tse di galaletsang pholoso e e mo go Keresete Jesu, le fa ba tshwanetse go hutsafala, le go utlwa botlhoko mmogo le Morena wa rona ka ntlha ya ba ba sa ntseng ba mo ganetsa, le go gana go amogela tumelo le kolobetso, le ka ntlha ya badumedi ba ba sa ungweng maungo a tlhabologo, le tumelo, le lorato, le tsholofelo, jaaka re bona ka Lefoko la thero ya kajeno gore Jesu o ne a hutsa mofeie gore o akofe wa omelela. Tota re reng ka ga bone ba ba bonang se Keresete a se dirang ka go fodisa difofu le batllhotsi, ka go bona bana ba ba opelelang Morena mo Tempeleng, ba mo opelela ka go opa mokgosi mo tempelang, ba re: Hosana go Morwa Dafita! A go thusiwe Morwa Dafita, a a bone letlhogonolo le tshegofatso mo tirong ya gagwe e a e tletseng go e dira kwa Jerusalema. Baperesiti ba bagolo le baruti ba molao wa Modimo ba kwa Jerusalema ba ngongoregela Morena, fa a ne a sa thibele bana go mo opelela, le go supa ka tumiso ya bone gore Jesu ke yo o solofeditsweng go nna Mopholosi wa batho botlhe. Keresete o ne a itumelela tumiso ya bana, a supa gore ke tirafatso ya polelelo-pele ya Pesalome ya borobedi. Ka nako e nngwe Jesu o ne a bolelela ba ba batlileng gore a thibele barutwa ba gagwe ba ba neng ba mo opelela, a re: “Fa ba, ba ka didimala, majwe a tla kua.”
Le fa re utlwa ka Lefoko la thero ya kajeno gore Jesu o ne a hutsa mofeie ole, re gopola le tiragalo e nngwe e e re bolelelang ka ga yo o kopileng morena wa tshimo ya moweine, a kopela setlhare se se neng se sa ungwe, a re: “Morena, o lese le ka ngwaga ono, ke tle ke o lemele, ke tsenya letshotelo. Motlhaope o tla ungwa isago; fa go sa nne jalo, o ka o rema.” Morena Jesu Keresete o sa ntse a re lemela ka go re rerela Lefoko la gagwe gore re itumele mmogo le ene, fa a sa ntse a dirafatsa ditsholofetso tsa gagwe. Bana ba mo opelela, le batho ba le bantsi. Bakeresete ba a mo ikanya, ba dumela mo go ene. Tumiso ya Mopholosi wa batho botlhe e sa ntse e utlwala.
A re tsoselediweng rotlhe go kopana le bana bale, le barutwa ba Morena mo tseleng ya gagwe ka kopo gore Morena a kgone go fenya dikganetso tsotlhe mo dipelong tsa batho, a ba gogele, le go ba tiisa mo tumelong. Ba ba dumelang mo go ene ga ba ka ke ba didimala, ba tla mo tumisa, le go mo opelela ka boitumelo jo bogolo, gonne Jesu Keresete o re baakanyeditse pholoso le botshelo jo bo sa khutleng ka loso le tsogo ya gagwe. Amen.
9. Thapelo: Morena Jesu Keresete, re a go leboga, ka o itshenoletse mo go rona gore re dumele mo go wena. Ke gona re kopang gore o tswelele go dirafatsa ditsholofetso tsa gago mo gare ga rona, le mo baneng ba rona, leina la gago le galalediwe ke bagolo le bana ka difela tse di tla gogang le ba bangwe go dumela mo go wena le go go galaletsa. O re utlwe ka ntlha ya lorato lo logolo lwa gago. Amen.
Thapelo ya Morena: Rara wa rona yo o mo legodimong …
10. Sefela sa 186 – 172/179
A kagiso ya Modimo e e fetang tlhaloganyo yotlhe e boloke dipelo tsa rona le maikutlo a rona mo go Keresete Jesu, Morena, Morepholosi. Amen.
Thero eno e kwadilwe ke E. A. W. Weber, ka ngwaga wa 2011
Kgatiso le go rongwa ga dithero tseo go tshegediwa ke kopano e e bidiwang The Lutheran Heritage Foundation.