
Jesus Christ says: "I am the vine, you are the branches ... without me you can do nothing. Abide in me!"
Dithero tsa Tirelano mo Kutlwanong
Thero ka Sontaga o o bidiwang Jubilate, e le ka 15. 05. 2011 28/2011
Mo leineng la Modimo o e leng Rara le Morwa le Mowa o o Boitshepo!
1. Sefela sa 227 – 213/221
2. Thapelo: Morena, Modimo, o re itshepise mo boammaaruing. Lefoko la gago ke la boamaaruri. Amen.
3. Epistolo ka fa thulaganyong ya 2 e kwadilwe mo go 1 Johane 5:1-4;
Efangele ka fa thulaganyong ya 1 e kwadilwe mo go Johane 15:1-8.
4. A go ipolelwe tumelo ya bokeresete!
5. Sefela sa120 – 108/-
6. Thapelo ya mmadi wa thero.
7. Efangele ka fa thulaganyong ya 3 e kwadilwe mo go Johane 16:16-23a, e re: “’Morago ga sebakanyana ga lo nke lo tlhola lo mpona, mme morago ga sebakanyana gape lo tla mpona; gonne ke ya kwa go Rara.’ Ke fa bangwe ba barutwa ba gagwe ba raana ba re: ‘Ke eng se o se re bolelelang, fa a re: Morago ga sebakanyana ga lo nke lo mpona, mme morago ga sebakanyana gape lo tla mpona; le fa a re: Ke ya kwa go Rara?’ Ba boa ba re: ‘Ke go reng, fa a re: Morago ga sebakanyana? Ga re itse se a se buang.’ Jesu a lemoga gore ba rata go mmotsa; a ba raya a re: ‘A lo botsanya ka ga se ke se buileng, fa ke re: Morago ga sebakanyana ga lo nke lo mpona, mme morago ga sebakanyana gape lo tla mpona? Ammaaruri, ammaaruri ke lo raya ke re: Lo tla lela, lo tlhokofala, lefatshe lone le tla itumela. Lo tla hutsafala; mme khutsafalo ya lona e tla fetoga boitumelo. Mosadi, fa a belega, o na le bohutsana, ka nako ya gagwe e tlile. Mme e a re a sena go belega ngwana, a se ke a tlhole a gopola tlalelo ka ntlha ya boitumelo jwa gore motho o tsaletswe mo lefatsheng. Jalo le lona lo na le bohutsana jaanong, mme ke tla boa ke lo bona; dipelo tsa lona di tla itumela, mme ga go ope yo o tla lo amogang boitumelo jwa lona. Motsing oo ga lo nke lo mpotsa sepe.'” Amen.
8. Thero: Phuthego ya ga Jesu Keresete, kajeno ke Sontaga o o bidiwang: Jubilate! Ka Setswana leina leo le re: Dudueletsang Morena! Itumeleng! Efangele eno e rata go tlatsa dipelo le mewa ya rona le segakolodi ka boitumelo. E rata go tlatsa metse ya rona le phuthego ya rona, le ditikologo tsotlhe tsa rona ka boitumelo le lethabo. Mo tlase fa, mo lefatsheng badumedi ba mo kotsing e kgolo ka metlha, e le kotsi ya go latlhegelwa ke tsholofelo. Re feta mo go tse dintsi, bogolo mo lefatsheng la rona, bogolo mo sebakeng sa kajeno. Satane o leka ka ditsela tse dintsi go bolaya sebete sa rona le boitumelo jwa rona, gonne o leka go bolaya tumelo ya rona. Ka moo ke a itumela, fa Mopholosi wa me Jesu Keresete ka nosi o nkgomotsa kajeno, jaaka a gomotsa kereke yotlhe ya gagwe mo lefatsheng.
A bua le barutwa ba gagwe mo bosigong jole jo a tshwaristsweng ka jona, pele ga loso lo lo boitshegang lwa gagwe. Mo polelong ya bofelo ya gagwe o kopanya tse tharo: Moletlo wa Tsogo le wa Pentekoste, le go bowa ga gagwe ka letsatsi la bofelo. Ke gore tsogo ya gagwe le kgoromeletso ya Mowa o o Botshepo le bokhutlo jwa dilo tsotlhe. O bua le ka ga lefatshe le le tlang, a re: “Morago ga sebakanyana ga lo nke lo tlhola lo mpona, mme morago ga sebakanyana gape lo tla mpona; gonne ke ya kwa ga Rara.” Barutwa ba ne ba sa tlhaloganye se a se buang, le fa go le botlhofo go lepolola nyoba eo. Bana ba sekolo sa tlhomamiso ba ithuta mafoko a a reng: Ke dumela mo go Jesu Keresete yo o neng a bapolelwa mo sefapaanong, a swa, a fitlhwa, a tsoga ka letsatsi la boraro mo baswing, a tlhatlogela mo legodimong, a le koo o tla roma Mogomotsi, Mowa o o Boitshepo, mme mo bofelong o tla bowa teng mo legodimong. Tseo di a utlwala, ga di fitlhege. Ga ke re?
Ke nnete, Jesu o re tlhalosetsa tseo, a re: “Ammaaruri, ammaarui ke lo raya ke re: Lo tla lela, lo tlhokofala, lefatshe lone le tla itumela. Lo tla hutsafala; mme khutsafalo ya lona e tla fetoga boitumelo. Lona lo na le bohutsana jaanong, mme ke tla boa ke lo bona; dipelo tsa lona di tla itumela, mme ga go ope yo o tla lo amogang boitumelo jwa lona,” a sena a tsoga, bogolo fa a tla bo a sena go boa ka letsatsi la bofelo. Ke mang yo o hutsafetseng kajeno? Yo o nang le letswalo fa gare ga rona ke mang? Jesu o bua le lona. O ka re: Jesu o a re bona, o a re itse, o re tlhaloganya le matshwenyego a rona. Tse di tshwenyang kajeno mo lefatsheng la rona di ama pelo ya gagwe. Ga a re tlogele re le masiela. Ga a re tlogele mo tlalelong ya rona, nyaya. O a re godisa, le go tlhatlosa mmele le mowa, tlhogo le pelo ya rona. Gantsi re mo tlase thata mo moweng mo malatsing a a bokete. Mme fano mo Efangeleng ya kajeno go dirwa se sešwa. Re itumedisiwa fa gare ga dikeledi, le fa gare ga dilelo gore boitumelo bo latele botlhoko, le go utlwisiwa botlhoko, e le boitumelo jo bošwa, le boitumelo jo bo sa feleng, e le boitumelo jwa botlalo, boitumelo tota. Ke tlhoka mafoko a a bontsha, le go tlhalosa tse di kwadilweng mono kajeno.
Ke a itse, ke dumela ka tlhomamo gore Jesu Keresete o teng. O nna le nna ka letsatsi lotlhe, o nna le nna mo motseng wa ga etsho, o nna le nna mono mo kerekeng, o nna le nna bosigo le motshegare. O nna le nna mo Lefokong la gagwe. O nna le nna mo boipobolong. O nna le nna mo selalelong se se boitshepo. O nna le nna mo kamoreng ya me. O nna le nna mo sekolong. O nna le nna mo perekong. O nna le nna ka Sontaga phakela, le fa gare ga beke, le fa ke le fa kae, le fa ke dirang. Ke ka atamela mo go ene. Ke ka kopana le ene. Mowa o o Boitshepo wa gagwe o ntshikara, o a ntiisa, o a ntshedisa, o a nkgomotsa. Lona bomme ba phuthego lo utlwa botoka se se kwadilweng fano, fa go twe: “Mosadi, fa a belega, o na le bohutsana, ka nako ya gagwe e tlile. Mme e a re a sena go belega ngwana, a se ke a tlhole a gopola tlalelo ka ntlha ya boitumelo jwa gore motho o tsaletswe mo lefatsheng.” Ke sekao le setshwantsho se se molemo tota. Go dirilwe se sešwa fa gare ga matlhoko mo botshelong jwa rona. Ke nnete ka Efangele go dirwa se sešwa mo tsamaong ya rona e Paulo a buang ka yona, a re: “Ba tiisa dipelo tsa barutwa, ba ba kgothatsa gore ba nnele ruri mo tumelong. Le gona ba re: ‘Re tshwanetse go tsena mo pusong ya Modimo ka ditlalelo di le dintsi,’” Dit. 14:22. Fela jalo go dirwa se sešwa mo tsamaong ya phuthego ya Morena. Re sala Jesu Keresete morago. Tsela ya gagwe e feta kwa Golegotha, mme e khutla mo legodimong. Ke jona botshelo jo bošwa ka tsogo ya ga Keresete. Ke botshelo jo bošwa ka go goromelediwa Mowa o o Boitshepo. Ke botshelo ka go dumela. Ke botshelo ka go itshwarelwa maleo a rona. Ke botshelo ka Efangele e e monate ya ga Jesu Keresete. Fa gare ga loso re mo botshelong. Loso lo latelwa ke botshelo jo bo sa khutleng. Fa gare ga tlalelo re mo boitumelong. Mosadi, fa a belega, o na le bohutsana, ka nako ya gagwe e tlile. Mme e a re a sena go belega ngwana, a se ke a tlhole a gopola tlalelo ka ntlha ya boitumelo jwa gore motho o tsaletswe mo lefatsheng. Boitumelo jo bo sa bolelweng bo tla latela matshwenyego, le matlhoko.
Tsogo ya ga Keresete e re e gopolang ka moletlo wa tsogo, le kgoromeletso ya Mowa o o Boitshepo e re e gopolang ka moletlo wa Penteksote, le go bowa ga Keresete ka letsatsi la bofelo go mmogo. Ke ka itumela, ke ka opela, jaaka nonyane e e fofang e lela. Se ke se bolelang, bagaetsho, ke se: Nna le wena re ka tshega mo gare ga dikeledi. Le lona lo na le bohutsana jaanong, mme ke tla boa ke lo bona; dipelo tsa lona di tla itumela, mme ga go ope yo o tla lemogang boitumelo jwa lona. Motsing oo ga lo nke lo mpotsa sepe. Dipelaelo tsotlhe di tla fela. Mo bosuleng jotlhe, le mo botlhokong, mo ditlalelong tsotlhe le mo go tsotlhe tse ke di tlhokang, mo bohutsaneng jotlhe ke a itse gore Jesu Kereste Mopholosi wa me o teng. O a nthata. O a mpelega, o a mpoloka. Ke utlwa mafoko a gagwe a kgomotso. Morago ga sebakanyana lo tla boa lo mpona, ke boa ke lo bona, Pelo ya me e itumele. Ga go ope yo o ka amogang boitumelo mo go lona. Itshokeleng fela, bomorwa-Rre, bomorwadie-Rre. Itshokeleng bakaulengwe. Re tla fenya ka ene. Re tla fenya mmogo le ene. Haleluja. Amen.
9. Thapelo: Morena Jesu Keresete, tlatsa dipelo tsa rona ka boitumelo jwa gago, le ka tsholofelo ya gago, ka bopelokgale jwa gago gore re lhabane tlhabano e e molemo ya tumelo. O re thuse jalo gore re go sale morago ka boikanyego le ka nnete, go ya re pholosiwe mo botshelong jo bo sa khutleng. Amen.
Thapelo ya Morena: Rara wa rona yo o mo legodimong …
10. Sefela sa 129 – 117/118
A kagiso ya Modimo e e fetang tlhaloganyo yotlhe e boloke dipelo tsa rona le maikutlo a rona mo go Keresete Jesu, Morena, Morepholosi. Amen.
Thero eno e kwadilwe ke K. G. Tiedemann, ka ngwaga wa 2011.
Kgatiso le go rongwa ga dithero tseo go tshegediwa ke kopano e e bidiwang The Lutheran Heritage Foundation.